PAIA Setswana

Last modified: March 27, 2020

Kopo ya phitlhelelo ya tshedimosetso

Ka gaSe o tshwanetseng go se diraNako ya tiragatsoTuelo ke bokaeDiforomo tse di tladiwangO ka golagana le mang

 

 

 

 

Ka ga kopo ta phitlhelelo ya tshedimosetso

 

Maitlhomo a Molao wa Tsweletso ya Phitlhelelego ya Tshedimosetso ke go netefatsa gore batho ba dirisa ditshwanelo tsa bona tsa molaotheo tsa go fitlhelela tshedimosetso efe fela e e tshotsweng ke:

 

puso

motho yo mongwe, e e tlhokegang go ka dirisa kgotsa go sireletsa tshwanelo e e rileng.

Lebaka la go tsenya tirisong tshwanelo ya go fitlhelela tshedimosetso ke go rotloetsa tlwaelo ya go se nne bofitlha le go nna le maikarabelo ga ditheo tsa botlhe le tsa poraefete, le go rotloetsa setšhaba se mo go sona batho ba Aforika Borwa ba kgonang go fitlhelela tshedimosetso go ba kgontsha go dirisa le go sireletsa ditshwanelo tsotlhe tsa bona.

 

Ke tshedimosetso efe, e e tshotsweng ke mafapha afe a puso kgotsa setheo sefe sa botlhe, e e ka fitlhelelwang?

 

O ka kopa go bona ditlankana le direkoto tse di tshotsweng ke Lefapha, batlhankedi ba lona kgotsa setheo sefe fela sa botlhe. Ga go kgathalatsege gore tshedimosetso eo e nnile teng leng. Tsona di akaretsa tse di latelang:

 

direkoto tsa sebele tse di tshotsweng ke lefapha kgotsa setheo sefe sa botlhe

tshedimosetso kgotsa direkoto tsa letlhakore la boraro, fela ka tetla go tswa go letlhakore le le amegang, segolo fa ditlankana di na le tshedimosetso ya sephiri kgotsa ya poraefete

tshedimosetso e phitlhelelego ya yona e sa kganelweng ke Molao wa TsweIetso ya Phitlhelelego ya Tshedimosetso

direkoto tsa kabinete le dikomiti tsa yona

direkoto tse di amanang le ditiro tsa boatlhodi tsa kgotlatshekelo

tshedimosetso e e:

fitlheletsweng ke lekgotla le le tlhomilweng go ya ka molao

tshotsweng ke motlhankedi wa boatlhodi wa kgotlatshekelo kgotsa lekgotla leo

tshotsweng ke leloko la palamente kgotsa wa kokoanopeomolao ya porofense.

Molao wa TsweIetso ya Phitlhelelego ya Tshedimosetso ga o a tshwanela go dirisiwa fa:

 

rekoto e kopiwa gore e dirisiwe mo ditiragalong tsa bosenyi kgotsa tsa selegae

tiragalo ya bosenyi kgotsa ya selegae e setse e simolotse.

Le fa go le jalo, Molao wa Phitlhelelego ya Tshedimosetso o kwa godimo ga molao kgotsa molawana ofe fela o o ka go kganelang kgotsa go go thibela go fitlhelela tshedimosetso efe.

 

Se o tshwanetseng go se dira

 

Kopa Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso wa lefapha la puso le le maleba go go thusa go fitlhelela tshedimosetso kgotsa ditlankana tse o di tlhokang.

Tlatsa le go romela Foromo A: Molawana 6: Kopo ya go fitlhelela rekoto ya setheo sa botlhe. O ka e bona go tswa kwa lefapheng kgotsa wa e sitlholola fa tlase fa.

Fa tshedimosetso e o e tlhokang e sa bonwe mahala, o tla tshwanelwa ke go duela madi a kopo (ka tsela ya ditemepe tse di dueletsweng). O ka tshwanelwa gape ke go duela madi a phitlhelelo le go batla (leba lenane la dituelo fa tlase).

Fa o kopa tshedimosetso go tswa go setheo sa botlhe, ga o pateletsege go tlhalosa lebaka la go batla go diragatsa kgotsa go sireletsa tshwanelo ya gago.

Nako ya tiragatso

 

Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso o tshwanetse go tsiboga mo matsatsing a le 30 a go amogela kopo ya gago.

Fa Motlhankedi kgotsa Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso a go ganela ka tetla ya go fitlhelela tshedimosetso e e kopilweng, o ka tlhatlhela ngongorego le tona e e maleba ya lefapha kgotsa setheo sa botlhe se se amegang.

Fa o sa ntse o sa kgotsofalela ditlamorago, o ka isa ntlha e kwa kgotlatshekelo.

Motlhankedi kgotsa Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla go thusa mo ntlheng e.

Fa tshedimosetso e o kopileng e sa tsholwa ke ya lefapha le le maleba, mme e tshotswe le setheo sefe sa botlhe, Motlatsa-Motlhankedi wa Tshedimosetso o tla fetisetsa kopo ya gago go Motlhankedi wa Tshedimosetso wa setheo sa botlhe se se maleba mo matsatsing a le 14

Setheo se se maleba sa botlhe se tshwanetse go tsibogela kopo ya gago mo matsatsing a le 30 jaaka go beilwe. O tla itsisiwe ka go fetisediwa ga kopo ya gago go setheo sa botlhe se se maleba.

Tuelo ke bokae

 

Promotion of Access to Information Act 2 of 2000 brochure

 

Diforomo tse di tladiwang

 

Form A: Regulation 6: Request for access to record of public body

Form B: Regulation 8: Notice of internal appeal

Form C: Regulation 10: Request for access to record of private body

O ka golagana le mang

 

Fa o tlhoka thuso kgotsa o na le dipotso tse dingwe mabapi le go fitlhelela tshedimosetso e e tshotsweng ke lefapha lefe fela kgotsa setheo sefe sa botlhe, tsweetswee golagana le motlatsa-motlhankedi wa tshedimosetso kgotsa motlhankedi wa tshedimosetso wa lefapha kgotsa setheo sa botlhe se se maleba.